Naledi tsa poko

Naledi tsa poko

Share

Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Naledi tsa poko, Health/Beauty, Debrak Sandton section, Rustenburg.

02/07/2024

Dumelang lotlhe fela kgale kesa tsene kafa gompieno ebe kere ke tlhole ditsala tsa me le siame fla ke naledi tsa poko ngwana wa goja setswana jaaka setlhako

17/05/2023

A lo siame batho ba me.ke itumeletse lorato lwa lona le madume a lona akr❤️❤️❤️ ko go lona botlhe fela

13/03/2023

Ke mang o pelo tlhomogi fla a nthekele phone ya R1000 go fitlha ka R2000 ketla mmusetsa yona

09/03/2023

Koko bo mokoduwe go tsoswa o itsosang
seitebala ekete tshwene makopo
Bagaetsho dumelang ke bua ka bo marete retologa
Kesa rogane ke tetemesa diteme
Ngwana...kgaetsadia mphereye wa bosigo
Se gana go sesela mala go itaya khubu monna go rotola matlho
Ke bua ka sekopa Se gana go sela sela
Tshetsana go atlhamela radintwa go mo jesa lehuma
Banna dumelang ga ke omane ka tetesela

02/03/2023

Dumelang bagaetsho kgale kesa bue Sepe neh mme ke teng

25/02/2022

Leru go wela batswana ba mmakgafela
Tsiritsiri matetekwane se tetema se bona borremogolo
Bonkoko go okama motsetsi
Semonate seingwaelwa
Ga le ka mpha e tshegadi nka lo sebela ka sona
Mokgalajwe go e nesetsa p**a
Bankganne bo nkgonne go ba gokolola
Masika abo nteke e phimole mfufutso phatlheng.

07/10/2021

Mantsetserekwane selo sago tsetserega
Monate wa magalapa
Se gama se ikotelela
Oooh banna se monate seingwaelwa
Se tiripa ditshwene go baya mangole fatshe
Se elela ekete p**a ya medupe
Se tlhokisa Banna le basadi maikarabelo
Monate wa nta selomela kobong
Bagaetsho se ntsha keledi dikgapheng
Ke bojarara ba go binisa bo gatwe o mang

01/09/2021

Ke seepa letoutou
Motswana sediba setletse
Bo kgaetsadi seapolelwa ke ditlogolo
Monate wa puo monate wa go tshameka loleme
Nkemele serwao ga kena mosepele
Noko go otlolola mitlwa
Bonkoko kana ebe ke kgimilwe
Ntshwareng ka matlase ketle ke ethimole
Ke se tlhama dipina go tlhoka kopelo
Dumelang basebo dumelang dinoko 🙏

18/08/2021

Ke lookwane se oketsa matute botsididi sethella ditshikeng
Banna go apara mmino ka ditlhako
Tshetsana go tsikinya mmele
Ke mareledi a go relela tlhogong
Lookwane se tsosa tlhogo di opa go tlhoka go ithoba mebele
Ke segajaja go gajaja masilo abo tanyane
Banna nka moraya kereng se iphitlha botsididing
Ke raya ngwana wa go rotha keledi kana bo mmangwane go dudueletsa ba apotse dijale

11/08/2021

Lebaleba tshimanyana
Setlogolo sabo phalane
Se ingapa ka dinala
bo kgaetsadi go thetha
Basadibagolo go tlhoka megolokwane
Relela theledi bo mmangwana go tlhoka go tsamaya
Ke mosetsana go tshameka mmele noka go tsikinyega
Matshwaro a ngwana kolobe go epitika
Ke tshetlhana wabo ....mphe metsi ke nwe role go thiba kgokgotso
Kana ga ke mmoki ke mosetsana wa go bua fla

13/07/2021

Halalalala...
Mahutsana sengaparela batho
Khutsana go tlhoka batsadi
Ke bua ka nta selomela kobong
Sefefo sa go phamola dikokwana
Ba kae bo mme mphimole dikeledi ke a lela
Bone ba irileng ba bona mmantsetserekwane a tsetserega ba wele mesimeng

Banna se kananyana mafoko se a tsaya kae
Se tshajwa ke batho se tshajwa ke diphologolo
Ke selo sa go gagola bo mmapule ba lebile
Ke bua ka bolwetsi se itira phamokate se phamola batho
Dikgosi le dikgosana go senang puo...

11/07/2021

Dumelang ditsala
Keraya lona bokwena
Ke seipela ka ngwao basimanyana ba lebile
Ga ke boke ka tetesela
Dinoko tsabo thari e ntsho
Mosetsana wa go binisa tlhogo banna
ke sefafaledi sa go fafalla yare a utlwa ba Mo Seba
A nwele ngwana wabo thari e ntsho ka bogatlapa
Ba mpitsa maswaana yo erileng a sweela batho
ke tilodi ya dikgaga se apara nkwe
Ga ke e palame ke a feta
Banna lokae ka melodi
Basadi gake mmoki ke raya gore lo ntebe
Se tlhaba ka mitlwa
Seja bosigo

Want your business to be the top-listed Beauty Salon in Rustenburg?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Category

Telephone

Website

Address


Debrak Sandton Section
Rustenburg